Go ola lonao ke eng?

Motswana o rile, ‘Seatla e a re se e sha, se amoganyetse ka se sengwe.” O ne a raya gore, motho fa a le mo pitlaganong, o tshwanetse go kopa ba bangwe go thusa. Go bonal;a fa se se ne sa direga fa gare ga sekole sa Mahupu kwa Takatokwane le motse wa Maboane mo kgaolong ya Letlhakeng.

Ka fa pego e supang ka teng, sekole sa Takatokwane ga se tsoge sentle, ka bana ga ba tsene sekole sentle, le  tiro ya bone ga e nametse.      Batsadi le bone ba tsaya fela gore, tiro ya sekole ke ya barutabana ba le nosi. Go ya ka pego, e rile go bona seemo se ntse jaana, bagogi ba sekole ba tsaya matsapa a go tsamaya le metse ya bana ba ba tsenang kwa Mahupu go ba itekodisa morafe. Motse wa ntlha ba tsena etelwa e ne e le wa Maboane; ba feta ba tshwara phuthego ya kgotla koo.

Ga twe kwa phuthegong eo, kgosi o ne a kgothatsa batsadi go ne ba etela dikole go ya lekodisanya le barutabana gore maduo a bana a ka tokafadiwa jang.

Editor's Comment
Gov’t must rectify recognition of Khama as Kgosi

While it is widely acknowledged that Khama holds the title of Kgosi, the government’s failure to properly gazette his recognition has raised serious concerns about adherence to legal procedures and the credibility of traditional leadership. (See a story elsewhere in this newspaper.) Recent court documents by the Minister for Local Government and Rural Development, Kgotla Autlwetse, shed light on the intricacies of Khama’s recognition process....

Have a Story? Send Us a tip
arrow up