Go ipatlelwa phatlha

No Image

Matlhatso a a sa tswang go feta e ne e le a a thata mo batshameking ba kirikete ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le boraro (13) jaaka ba ne ba kgapa sethitho sa go ipatlela phatlha mo setlhopheng sa setshaba kwa sekolong sa Kgabo Sereto kwa Mochudi kwa Kgatleng.

Metshameko e e ne e rulagantswe ke lekgotla la kirikete la Botswana (BCA) go tlhotlha batshameki go ya ka bokgoni le maitemegelo a bone. Ka gose bonolo go leba motshameki fela ka matlho o bo o re ke wa setlhopha sa setshaba, BCA e ne e rulagantse dithonamente tsa basimane le basetsana gore batshameki ba tle ba itshupe mo go tsone fa e le ruri ba ka emela lefatshe la Botswana mo dikgaisanyong tsa ditlhopha tsa dingwaga tsa bone.

Mo letsatsing leo, go ne ga bonala sentle gore lekgotla le la kirikete le tsweletse ka go dira tiro e ntle mo Botswana ka kakaretso. Mme fa ele kwa Kgatleng gone tema e setse ele e tona thata ka mongwe le mongwe a bona maduo a teng. Lebala la Kgabo Sereto la bo le tletse ka batshameki ba babotlana go tswa mo dikoleng tsa Kgatleng. Botlhe ele ba ba tsileng go tlhabana ntwa e kgolo ya go sutlhelela mo setlhopheng sa lefatshe la Botswana sa dingwaga tse di kwa tlase.Bakatisi go tswa kwa lekgotleng la kirikete le bone bakatisi ba barutabana ba bo ba taboga lepaapaa go ntsha ditaelo go di naya bana ba bone. Mongwe le mongwe ele yoo eletsang go bona bana ba gagwe ba gaisa ba bangwe.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up