Ga le a latlhega � Khama

No Image

MOSU: Tautona Lt. General Ngaka Seretse Khama Ian Khama a re nnete e e sa batleng bola jwa thotelabodiba ke gore o tla tswelela ka mowa wa gagwe o montle wa go abela bagodi le bana ba lefatshe leno dithuso gore ba seka ba ikutlwa tatlhego.

Khama, o tlhomamisitse seo mo kgweding e e fetileng e ya fifing pele ga go gorosiwa ngwaga o mosha wa 2016. O ntshitse mafoko ao ka letsatsi le ka lone a neng a abela bana le bagodi ba motse wa Mosu kwa Boteti dimpho tsa keresemose le ngwaga o mosha tse di neng tsa amogelwa ka melodi le megolokwane.

Khama o boleletse banni ba Mosu ba ba neng ba tsile kgotleng ka makatanamane gore  mokgwa o wa gagwe wa go abela ba bangwe segolobogolo ba ba itlhaelang o tswa mo botennyeng jwa pelo ya gagwe mme e bile o tlaa o tsweledisa mo tshabeng eno go ya bosakhutleng. A re e le ruri mo matlhong a Morena  go molemo lebogo le le abang gonne ga twe le tla amogela go menaganye. Ka jalo are Batswana ba ba kgonang ba tshwanetse go rwala boikarabelo jwa go abela ba bangwe gonne gatwe molomo fa o ja o a bo o roga o mongwe.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up