FNBB e abela Kgomodiatshaba ditlhako

Ditlhako tsa baithuti pele ga di abiwa kwa Kgomokasitwa
Ditlhako tsa baithuti pele ga di abiwa kwa Kgomokasitwa

Mariga a gorogile ka serame se se botlhoko eleng seo bangwe ba ba kutlwelobotlhoko ba bonang go le botoka go gopola bana ba dikole, bogolo jang ba ba tswang mo malwapeng a a tlhokileng lesego la khumo le go tshela sentle.

Jaaka e le maikemisetso a lekgotla la banka ya First National ya Botswana (FNBB) go thusa baithuti ba dikole, e ne ya re beke ee fetileng ba etela kwa sekoleng se sebotlana sa Kgomodiatshaba kwa Kgatleng go abela baithuti ba sone ditlhako tsa sekole.

Fa a bua kwa kabodimphong kwa sekoleng se sa Kgomodiatshaba, mogolwane wa FNBB kwa mmolong wa Airport Junction, Gadifele Kgosidialwa, o ne a bolela fa thuto e tla pele mo botshelong jwa segompieno. A re baithuti ba tshwanetse go itse gore gompieno tiro nngwe le nngwe ee duelelwang e tlhokana le gore mmereki a bo ana le thutego e e rileng, ka ope fela yo o sa tsenang sekole go nna thata gore a bone tiro e a e ratang. Gore se se kgonafale, Kgosidialwa a re baithuti ba tshwanetse go tlhwaafalela thuto ya bone, ba seka a itewa tsebe ke sepe, ka ba simolotse go betla tsela ya botshelo. O tladitse ka gore thuto e batla moithuti yo o matlhagatlhaga a sa kgorelediwe ke sepe, go sa kgathelesege gore a ke se a se itlhophelang kgotsa tlholego. O ne a bolela gore thuto ya bana e tlhoka go tshwaraganelwa ke batsadi le barutabana. Seane sa Setswana se bolela gore kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa, eleng seo a reng o kopa batsadi botlhe go ema ka dinao go tlhomamisa gore bana ba bone ba tlhwaafalela thuto.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up