Eloyi e gopola ba ba dikobo dikhutshwane

No Image

GANTSI: E rile ka matlhatso a mafelo a beke e re tswang mo go yone, phuthego ya kereke ya Eloyi ya abela batho bangwe ba ba dikobo dikhutshwane dithuso tsa melora le ditlolo, le dithuso tse dingwe tse di farologaneng.

Kabo dimpho e, e diragaletse kwa kgotlengkgolo ya Gantsi mme ke gone kwa Kgosi Botshelo Lekgothu a neng a di amogela. Kgosi Lekgothu o ne a akgola kereke ya Eloyi mme a bolela fa puso ka nosi e ka se kgone go tlhokomela batlhoki, ka le ka dipalo ba le bantsi mo lefatsheng leno. “Ke kopa go re dikereke tse dingwe le tsone di nne le seabe mo go tokafatseng matshelo a batho mo gae mme di ititeye ka thupana jaaka Eloyi,” Lekgothu a gakolola jalo.

Bishop Sekai Jacob yo e leng Moruti mogolo wa Eloyi, o ne a tlhalosa fa ngwaga le ngwaga, ba tlhopha lefelo lengwe le ba eletsang go le etela. A re go le ga ntsi, ba ikopanya le boeteledipele jwa lefelo leo go utlwa ka mathata a a amileng lefelo le ba le tlhophileng. “Re tshwanetse ra tshwenyega re le dikereke mme ra supa matshwenyego a rona ka go tsenya letsogo mo go thuseng bao ba ba tlhokileng lesego mo botshelo,” Bishop Jacob a rialo.

Editor's Comment
Micro-procurement maze demands urgent reform

Whilst celebrating milestones in inclusivity, with notably P5 billion awarded to vulnerable groups, the report sounds a 'siren' on a dangerous and growing trend: the ballooning use of micro-procurement. That this method, designed for small-scale, efficient purchases, now accounts for a staggering 25% (P8 billion) of total procurement value is not a sign of agility, but a 'red flag'. The PPRA’s warning is unequivocal and must be...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up