Ditlhabololo di nyeletsa dikgwa

Pele ga lefatshe la Botswana le tlhabologa go ne gona le dikgwa di le dintsi tse di kitlanyeng ka ntlha ya ditlhare tse di neng di sa tshwenngwe ke sepe. Mme fa ditlhabololo jaaka ditsela, meepo, matamo, dikampa tsa masole, sepodise, mafelo a itlosobodutu le mabala a magolo a metshameko a ntse a agiwa ga bonala fa dikgwa di tlaa nyelela. Se se ne se dirwa ke go remakiwa ga ditlhare go sutela ditlhabololo tse di neng di agiwa mo mafelong ao.

Batswana bogologolo ba ne ba itse fa dikgwa di le botlhokwa ka di ne  di ba tsholetse diphologolo le ditlhare tsa maungo ka mefuta. Mme gape ba ne ba itse fa e le gone kwa meraka le mahudiso a ka dirwang teng. Ba ne ba sa  remakake sekgwa sengwe le sengwe fela. Mme fa go tlhokegang gore go ka dirwa sengwe ba ne ba rerisanya le dikgosi tsa bone pele ga ba ka dira jalo esere gongwe ba tloga ba iphitlhela ba sentse naga le mororo go sa tlhokafale.

Magosi a ne a itse gore dikgwa tse ke bonno jwa diphologolo le dinonyane tsa naga tse di sa tshwanelang go tshabela kgakala ka ntlha ya go tlhoka bonno jo bo sireletsegileng, ebile bo na le dijo tse di lekaneng go ka jewa. Ebile gape ditlhare di ne  di thusa batho ka phefo e e tswang mo go tsone.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up