Dipitse di tsogile le Jeso

No Image

Malatsi a le mabedi pele ga Labotlhano wa loso la morwa Modimo Jeso Keresete, Batswana ba ne ba tlelwa ke khutsafalo e e botlhoko morago ga gore setlhopha sa bone sa setshaba sa Dipitse se faphiwe ke sa Comoros mo motshamekong wa go ipatlela phatlha kwa sejaneng sa lefatshe. Tatlhegelo e ya Dipitse e ne ya dira gore loso la ga Jeso Keresete le nne botlhoko thata ka jaanong Batswana ba ipotsa gore tota e le gore fa Dipitse tsa bone di setse di fenngwa ke sengwe le sengwe jaana, go ka tweng. Mmega-dikgang wa Naledi wa tsa metshameko TEICHLER RANKOA a re erile ka letsatsi la boraro fa Jeso wa Nasaretha a tsoga morago ga go fenya loso, Dipitse le tsone tsa tsoga le ene ka Sontaga, morago ga go fenya The Comoros gore e re barapedi ba ipelela tsogo ya Morena wa bone Jeso Keresete, barati le balatedi ba Dipitse le bone ba ipelele tsogo le phenyo ya Dipitse.

Dipitse di ne tsa tsena mo lebaleng di tlhotsa kgatlhanong le Comoros ka Sontaga ka di ne tsa ipona fela di palelwa ke go raga Comoros botlhoko kwa ga yone ka Laboraro, mme se sa hutsafatsa Batswana thata go bona Comoros e di rema maoto ka nno e le nngwe go lefela. Barati le balatedi ba Dipitse ba ne ba batla go tlelwa ke itlhobogo ya gore setlhopha sa ga mokatisi Peter Butler se ka tlhola se dira sengwe mo kgaisanong e se tshamekang mo go yone e.

Ba ne ba itlhoboga jaana ka tota ba tsaya fela gore mafatshe a a tshwanang le Comoros ga se a motshameko wa kgwele ya dinao, e le fela a ba solofelang gore ga a kopana le Dipitse di tshwanetse go raga go utlwala go kokoanya dintlha tse di botlhokwa ka one. Go utlwa fela gotwe Dipitse di robilwe maoto ke Comoros go ne ga dira gore Batswana ba letele legato la bobedi ba sulafetse mowa, ba ikgomotsa fela ka gore malatsi ke a paseka ba tla a ikgomotsa ka tsoga ya ga Morena Jeso Keresete.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up