Dikgaisanyo di upolola dinaledi � Ramakrishna

Ramakrishna
Ramakrishna

Dikgaisano tsa ditlhopha tse bana ba ba botlana tsa kirikete tse di neng di tshwerwe beke e e fetileng di tsamaile sentle mo mogolwane wa lekgotla la Botswana la motshameko wa kirikete(BCA), Girish Ramakrishna a reng se ke sekai sa gore motshameko o o ntse o a gola mo lefatsheng la Botswana, ebile dinaledi di ntse di upulolwa.

Ditlhopha tsa basimane le basetsana di ne di tswa mo kgaolong yotlhe ya Borwa,mme batshameki ba tswa mo ditlhopheng tsa dikole tse dipotlana ka go tswa mo dikgaolong ka go farologana ga tsone, se Ramakrishna a  reng se mo itumedisa thata ka go supa fa barutabana le baithuti ba setse ba itse le go tlhaloganya motshameko o, ebile ba o rata fela thata. Ramakrishna a re le fa ba itumela go bona tiro e ntle e ya barutabana le baithuti, o leboga thata batsadi botlhe ba bana ba, ka a re go supa kemonokeng e ntsi go tswa mo go bone go ya kwa baneng ba bone, eleng seo go leng bonolo go bona batshameki ba dipalo tse dintsi go ka dira ditlhopha tse di mmalwa tse di farologanyeng. A re o a itse gore ga go bonolo gore batsadi ba tlhaloganye botlhokwa jwa motshameko, bogolo jang fa bone ba godile ba sa o itse.

Fa a bua le Naledi kwa mabaleng a metshameko e la Labone, Ramakrishna o rile batshameki ba supa gore jaanong ba setse ba le dinaledi tse di lekaneng go ka emela lefatshe la Botswana mo ditlhopheng tsa setshaba tsa bana ba ba botlana. A tswelela a bolela fa se se thusa thata gore ditlhopha tsa setshaba di di nne le batshameki ba le ba ntsi ba di ka tlhophang mo go bone, a tlhalosa fa bangwe ba batshameki ba ba neng ba tshameka ba, ba setse ba lekeleditswe mo ditlhopheng tse dingwaga tse dif a godimo ga bone.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up