Dikgaisanyo di thusa bakatisi

Dikgaisanyo tsa motshameko wa kirikete tsa Botswana di direlwa go neela bakatisi ba ditlhopha tsa setshaba sebaka sa go bona le go tlhopha batshameki ba ba ka akarediwang mo ditlhopheng tsa setshaba. Ke sone seo go leng botlhokwa gore batshameki ba ditlhopha ba tseye karolo mo go tsone.

Fa a bua le Naledi mabapi le kgaisanyo e e neng e tshwerwe kwa mabaleng a kirikete a Botswana, mogolwane wa lekgotla la Botswana la kirikete (BCA), Girish Ramakrishna, a bolela fa gantsi BCA e tshwara ikatiso ya ditlhopha tsa setshaba ka go farologana ga dingwaga tsa batshameki. A re ikatiso e e rulaganngwa ka maikaelelo a go baakanya batshameki ba ditlhopha tse, gore e re ba tsena mo dikgaisanyong tsa mafatshefatshe ba bo ba le mo seemong se se siameng go ka mekamekana le balekane ba bone.

Mo godimo ga ikatiso e, Ramakrishna a re ba tshegetsa dikgaisanyo tsa ditlhopha tsa lefatshe la Botswana ka go farologana ga dikgaolo tsa tsone, tse a reng le tsone di tshwarwa ka maikaelelo a go kala seemo le tshameko ya batshameki ba tsone.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up