Dikgaisano di ngoka ba-na-le-bogole

Dikgaisano tsa malatsi a ga tautona a boitapoloso a setse a itsiwe le go tlwaelwa ka ditigalo tsa ngwao, botaki le bodiragatsi morago ga gore tautona wa lefatshe la Botswana, Lt General Ian Khama a tshwae jalo dingwaga di le robedi tse di fetileng.

Mme jaanong monongwaga go ne ga lemosega fa di ntse di golela pele mo ebile di neng di ngokile le bone ba na le bogole tota, mme gape ba kgona go gapa maemo a ntlha. Fa badiragatsi ka bongwe ka bongwe jwa bone, gammogo le ditlhopha ka go farologana ga mefuta ya tse di supiwang, barati le balatedi ba ngwao le tsotlhe tse di amang Batswana ba ne ba aja monate bogolo jang ka malatsi a a ne a ba tsholetse letshono ka ntlha ya letlhoko la madi.

Gareng ga ditiragalo tse di neng di natifisa malatsi a, go ne go le Poko, Metlae, Setapa, Tsutsube, Sebirwa, Seperu, Hosana, Diware, Phathisi, Polka, diletso tsa Setswana jaaka setinkane, segaba le katara.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up