Diabe tsame di kampa tsa pharama � barui

Bogologolo tala, Batswana e santse e le tshaba ya thuo, bogolo jang dikgomo tse ba neng ba di rua di le dintsi, ba ikgatlha ka tsone, ba boka ka fa di godileng le go lema ka teng, le ntswa di ne di sa tlhabolole matshelo a bone ka gope.

Go ne gose bonolo gore monnamogolo kgotsa mosadimogolo a tsene mo lesakeng go ntsha dipholo kgotsa dipelesa go rekisa. O ne a etle a tloge a utlwe botlhoko fa ngwaga ya leuba e tla, a bona jaaka dikgomo di babalelwa ke leuba di swa ka bontsi jaaka dintsi. Bangwe ba sale ba iphotlhere ba setse fela ka marope. Ka jaanong go ntse go begwa leuba le le tlang le le bogale, fa gape go bapadiwa diabe ke kompone  ya puso ya BTCL, mmegadikgang wa Naledi TEICHLER RANKOA, o etetse kwa masimong le merako go utlwa gore barui ba akanya eng ka leruo le diabe tse di sesolo tse. A re barui e ntse ke bale ba bogologolo, ba gana ka dikgomo, fa ese ba ba rutegileng fela ka bone ba tlhaloganya sengwe ka diabe.

Go tsena ka masimo le meraka ya Batswana go dira gore moeng a amogelwe ke go lela ga dikgomo di le mo masakeng, jaaka beng ba tsone ba di tlhatlhetse gore batle ba di huhumele go ntsha mashi mo go tsone. Go ntsha pelo thata go bona mong wa tsone a eme fa mojakong a di lebile ka lorato, dingwe mo go tsone a akanya gore kana fa ngwana wa gagwe wa mosimane a ka re “ntate ke batla go tsaya bana,” e le tsone tse monnamogolo a ka di ntshang mo lesakeng go di gatelelela kwa bogwagadi.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up