Bunu o tswela teemane pelo

ORAPA: Monnasetilo wa komiti ya merero ya kgwele ya dinao mo kgaolong potlana ya Boteti, Rre Phillimon ‘’Filafila’’ Bunu, o itatswa maroba a nko kgapetsakgapetsa a re o batla ka pelo yotlhe gore setlhopha sengwe mo kgaolong ya gagwe se kgone go nna le sebaka sa go tlhatlogela kgotsa go tsena mo liking ya ntlha ya setshaba ya Debswana ( Debswana First Division).

Go rothisa mathe a le molelo ga ga Bunu ka ntlha ya teemane ya Debswana, go senogile bosheng mo bekeng e e fetileng fa a ne a buisanya le Naledi mo potsolosong kwa moepong wa Orapa. O boleletse Naledi gore ene le komiti ya gagwe ga ba tshwarwe ke kgofe ka ba itse sentle gore ke lobaka lo loleele go ntse go sena setlhopha sepe sa Boteti mo liking ya Debswana First Division. A re fa seo se ka tswelela barati le balatedi ba motshameko oo ba tloga ba tsaya gore kgwele ya dinao e nyeletse mo Boteti kgotsa ditlhopha tsa koo tsotlhe ke maoratsatsi/bomagogorwane. ‘’Legale gone  ga  go tshwane tshotshoo kwa ga Motshodi ka gore Orapa United e re beile mo mmepeng wa tlotlo kwa beMobile,’’ ga bua Bunu a rumaruma.

A re o na le tumelo e e tsepameng ya gore ditalente tsa tlhwatlhwa di teng mo kgaolong e bile ditlhopha tsa koo di ka dira botoka fa di ka bona thotloetso ya madi. Bunu, yo o nang le monnawe yo o boitshegang jaaka pula ya dikgadima a tshamekela setlhopha sa Letlhakane United, Nicholas Bunu, a re o lemogile gore gantsi batshameki ba dikgaolo ba kgobega marapo mme ba phuaganye ditalente tsa bone ka ntlha ya go tlhoka thotloetso ya madi. Le fa go ntse jalo, o ba kopile go nna pelotelele gonne gatwe sa mosima se jewa ke yoo thata.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up