Botswana e loma Namibia serota

Setlhopha sa basadi sa lefatshe leno sa kirikete se ne sa tshameka sentle mo kgaisanyong ya mafatshe a robabobedi e e neng e tshwere bosheng kwa mabaleng a kirikete a mono Gaborone. Namibia e ne ya felela e le bone ditshimega, fa Botswana e bona maemo a bobedi.

Setlhopha sa Botswana se tsene mo kgaisanyong ka maikaelelo a go romela molaetsa wa tlhagiso mo ditlhopheng tsa mafatshe a a sele. Se se ne sa se tiisa moko go fenya metshameko e le mentsi go se tsholeletsa kwa maemong a a kwa godimo. Kgaisanyo e ne e tsenywe ke mafatshe a Lesotho, Namibia, South Africa, Malawi, Mozambique, Swaziland le Botswana go dira palo gotlhe go nna bosupa. Zimbabwe e ne ya seka ya iponatsa.

Mogolwane wa setlhopha sa Botswana, Gaone Basiamang, a re kgaisanyo e ke yone e e thusang thata gore setlhopha se ipaakanyetse dikgaisanyo tse di kgolwane tsa mafatshefatshe. Ke sone seo a bonang go le botlhokwa gore di ne di tshegediwa gantsi. Basiamang a re o itumeletse ka fa batshameki ba gagwe ba dirileng sentle ka teng. A re mafatshe a ba neng ba tshameka nao a setse a na le dingwaga di le dintsi mo motshamekong wa kirikete. A re go bona bana ba gagwe ba kgonne go emelana le mafatshe a go supa fa lefatshe la Botswana le gatetse pele mo motshamekong o. Basiamang o ne gape a bolela fa ba itumeletse go fenya lefatshe le le thata ebong Namibia  le le tseelwang kwa godimo thata mo motshamekong wa kikrikete.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up