Botlhoki, bogole le lefufa

No Image

Kopo ya ga Tautona Lt. Gen. Dr. Ian Khama ya go thusa bao ba ba dikobo dikhutshwane ka go ba agela matlo. Maikaelelo a yone ke go aga seriti sa bone. Kopo ee lebega e tswa tema, le fa golo gongwe gona le Batswana bangwe ba ba santseng ba eteleditse pele lefufa mo dithusong tseo.

Kgang e simolotse jaaka Khansele potlana ya Serowe e ne ya agela Mme Obolokile Goganegile ntlo ya dikamore tsa boroko tse pedi. Thulaganyo ya kago e e gwetlhilwe ke letlhoko le le neng le etswe tlhoko ke lephata la bommaboipelego la Serowe mme go ne go lemosega gape fa mmaagwe Obolokile a ne a tshelela mo lehumeng. Mme ya re morago a tlhakafala. Leso la ga mmaagwe Obolokile le ne la dira gore Obolokile le ene a ngaparwe ke letlhoo le lefufa la ga mmangwanaagwe mo a feletseng a mo koba mo lwapeng le le neng ele la batsadi ba gagwe.

Morago ga dingwaga tsa kgokgontsho go tswa mo go mmangwanaagwe, Obolokile, yo o nang le bana bale bane mo go bone gona le wa monalebogole, a namolwa mo seemong seo ke bommaboipelego mme ba lopa lekgotla la kaboditsha la Serowe go mo abela setsha. Ga diragala fela jalo. Khansele le yone ya ipala matlotlo mme ya agela Obolokile ntlo ya dikamore tse pedi tsa boroko, ntlwana ya boapeelo, ya botlhapelo le boitiketso le boitapoloso (LA2). Ntlo eo e agilwe kwa kgotlaneng ya Masilo gone kwa Serowe.

Editor's Comment
Micro-procurement maze demands urgent reform

Whilst celebrating milestones in inclusivity, with notably P5 billion awarded to vulnerable groups, the report sounds a 'siren' on a dangerous and growing trend: the ballooning use of micro-procurement. That this method, designed for small-scale, efficient purchases, now accounts for a staggering 25% (P8 billion) of total procurement value is not a sign of agility, but a 'red flag'. The PPRA’s warning is unequivocal and must be...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up