Borogo bo letsa Mokhanselara

Dipula tse di ntseng di na mo kgweding ya Firikgong di kgoreletsa baithuti kwa metseng ya Matebele le Oodi. Se jaanong gase itumedise mokhanselara ya kgaolo ya Matebele, Modise Ncube.

Fa a buisanya le Naledi ka seemo se sa go lofela sekole ga baithuti ba sekole se segolwane sa Odima, ka ntlha ya pula, mokhanselara Ncube o tlhalositse gore se se bakwa ke gobo borogo jo bo kgaoganyang metse ya Matebele le Oodi bo le bonnye ebile bo le kwa tlase thata.

A re ka ntlha ya se fa pula fela e e seng ya sepe e na, metsi a bo tlola fa godimo, mme go se nne ope yo o ka tlolelang ntlheng e nngwe ya noka ya Ngotwane. Ncube a re e le bagolo le baagi ba Matebele ba setse ba itse fela gore fa dipula di simolola go na, baithuti ba ya go sokola go le kae. A re ga a itumedisiwe gotlhelele ke go bona maduo a bana ba Matebele a tswelela ka go wela tlase. Mme ese ka go bo ba tshameka, mme tota e le ka go lofela sekole ka ntlha ya borogo. O ne gatelela thata botlhokwa jwa gore khansele e tsibogele go aga borogo jo botona gore metsi a seka a bo tlola fa godimo go kgoreletsa metsamao ya baithuti fa baya sekoleng le ditiro tsotlhe tsa baagi ba Matebele le Oodi ka gope.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up