Bogodu jwa motlhaba bo a tshwenya

Go supega fa kgang ya bogodu ja motlhaba mo dinokeng le melapo e santse ele kgwetlho mo lefatsheng leno. Banni ba Gabane ba ne ba supa fa ba lebaganywe ke kgwetlho eo le bone fa Tona wa Kgotetso le Metsi, Onkokame Kitso Mokaila, a etetse motse wa bone ka Mosupologo beke eno go buisa phuthego ya kgotla. Modulasetilo wa khuduthamaga ya ditlhabololo tsa motse, Village Development Committee (VDC) , Rre Otlaadisa Manthe, o ne a bolelela Tona Mokaila gore ba tshwentswe ke bangwe ba ba thothang motlhaba mo motseng wa bone e se kafa molaong.

A re bontsi jwa batho bao ke batswakwa mme ebile ba dikgoka fela thata. A re ba kotsi mo ba tsamayang ka didirisiwa tse di borai mo matshelong a bone. Manthe a re le fa ba bona batho ba go nna jalo ele baeteledipele ba motse, ba re ba ba lemotsha gore se ba se dirang ga se tsamaiso ba ba tshosetsa matshelo.

A re matshelo a bone a mo diphatseng ka ntlha ya batho ba. O ne a tswelela ka gore ebile ba latlhela le dilo tse di borai mo metsweding e ba rorang metlhaba mo go yone. Manthe a re se se diphatsa mo banning ba motse wa bone le metsi aa fitlhelwang mo metsweding e go tsewang metlhaba mo go yone. Manthe a re leruo la bone le lone le mo diphatseng ka magodu a motlhaba ba o utswa ka dipalo tse di kwa godimo.

Editor's Comment
Micro-procurement maze demands urgent reform

Whilst celebrating milestones in inclusivity, with notably P5 billion awarded to vulnerable groups, the report sounds a 'siren' on a dangerous and growing trend: the ballooning use of micro-procurement. That this method, designed for small-scale, efficient purchases, now accounts for a staggering 25% (P8 billion) of total procurement value is not a sign of agility, but a 'red flag'. The PPRA’s warning is unequivocal and must be...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up