Bofafalele jwa A1

Erile ngwaga mongwe ka etela kwa Radisele, kwa erileng go bowa teng ka bolela fa ke boile teng ke hupile mmu ka marago. Mo puong yame, morulaganyi wa Mmegi wa nako eno, Oarabile Mosikare, a batla go itse gore ke hupa mmu ka marago jang.

Ke ne ka mmolelela gore ka ke ne ke na le dingwaga tse dintsi ke sa etele kwa bokone, loeto lame la nako eo le nthutile dilo di le dintsi thata. Fela, ke ne ke sa itumelele go bona ka fa bakgweetsi ba tsela ya A1 ba kgweetsang ka teng, ke ngongorega thata ka lebelo la bone le le feteletseng le gone go sa obameleng matshwao a tsela ka teng. Ke ne tshwentswe thata ke lebelo le le kwa godimo la dibase tse di pegang setshaba.

Kgang kgolo tota mo go hupeng mmu ka marago mo game e ne e le gore fa bakgweetsi ba tsela e, ba ka ikaelela go kgatlhwa ke go taboga ka lebelo le le kwa godimo, le gone go tsamaya ba feta fetana mo tseleng, le bone ba dibase di pegile setshaba, matshelo a le mantsi a tsile go latlhega ka ntlha ya dikotsi tsa tsela. Se ke se se diragalang gompieno, ka mmu ole wa marago ame o simolotse go tshologa.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up