Black Forest e baya Mmankgodi mmepeng

Setlhopha sa motshameko wa kgwele ya dinao sa liki ya ntlha ya setshaba ya Debswana, Black Forest go tswa kwa kgaolong ya Kweneng, motse e le wa Mmankgodi, se ne sa tlhatlogela mo liking e ka ngwaga ya 2013/14.

Mme erile go goroga mogolwane wa sone, Mompati Ditiro, a bolela fa se sa tla go tshameka, mme se tsile go tshameka ka tlhwaafalo go tlhatlogela kwa liking e kgolwane ya be MOBILE. A re ba ba e nyatsang ba dire jalo fela ka go rata ga bone. Fela, a re ba itse fa ba tlaa sala ba itshwere diledu fa yone e goroga kwa Gaborone. Mafoko a a ga Ditiro ga a wela fatshe ka jaanong Black Forest e baya Mmankgodi mo mmepeng wa liki e kgolwane Setlhopha se se tsena mo liking e se tlogela ditlhopha tse ditona tsa pele tsa liki e kgolwane, tse go neng go solofetswe gore di tlaa palama, bogolo jang ka di sa bolo go fologela mo liking e ya ntlha ya Debswana, tse gareng ga tsone go leng, Mogoditshane Fighters, Prisons XI, Unioa Flamingo Santos, Notwane, Letlapeng le tse dingwe tse di ntseng di tshameka mo go yone jaaka Modipane United le Rolling Boys.

Go tlhatlogela kwa liki e kgolwane ya be MOBILE go tlogela baagi ba Mmankgodi le metse e e mo tikologong ya one ba tlolaka ka boitumelo jo bogolo ka ba itse fa leina Mmankgodi le tla itsewe. Gape le bone e tla a re go leletswa kwa be MOBILE go batla milione wa dipula le bone ba letse go mo ipatlela. Go palama ga sone go raya gore le bone ba tlaa nna le sebaka sa go bona setlhopha sa bone mo thelebishineng le go utlwa se gasiwa mo waeleseng fa se tshameka le mekaloba e tshwana le Gaborone United, Township Rollers, Mochudi Centre Chiefs, Extension Gunners, Gilport Lions, Nico United, Jwaneng Galaxy, Orapa United,  BDF XI, Police XI,

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up