BCA e rutuntsha ba bagolwane

Ramakrishna
Ramakrishna

Lekgotla kirikete la Botswana(BCA) le tsweletse ka maikano a lone a go godisa motshameko wa kirikete mo Botswana mo jaanong le setseng le simolotse go rutuntsha ka motshameko wa kirikete kwa dikoleng tse dikgolwane.

Go tlhomamisa gore se ga se lelelwe ke dipoo, e ne ya re beke e e fetileng go simolola ka Laboraro, lekgotla le la tshegetsa dithuto tsa bokatisi jwa kirikete tsa barutabana ba dikole tse dikgolwane, tse di tsereng malatsi a le mabedi. Dithuto tse di ne di tshwaretswe kwa mabaleng a kirikete a Gaborone, mme tsa kgona go kokoanya barutabana ka dipalo tse di kwa godimo go tswa mo kgaolong yotlhe ya borwa go supa fa le bone ba tsaya maiteko a ka tlhwaafalo.

Go ne ga bonala sentle gore BCA e sega tema e e bonalang ka barutabana ba ne ba supa gore ba eletsa go itse thata ka motshameko o, ka ba ne ba dira sengwe le sengwe se bakatisi ba bone ba neng ba ba laela go se dira. Le one mabelo ba ne ba taboga fela ka tlhwaafalo go sena ope yo o eletsang go salela kwa morago. Basadi le bone ba seka ba batla go gaisiwa ka ba ne ba bona go le botoka go itepatepanya le bakaulengwe ba bone ebong banna.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up