Batshwaraditlhapi ba kgala Blackbeard

MAUN: Batshwaraditlhapi ba kgaolo ya Nhabe ba supile ka monwana Timothy Blackbeared, ba re ga a na mowa wa tirisanommogo. Go ya ka Monnasetilo wa Lekgotla la Batshwaraditlhapi la Lecha la, Ngami Fishers Association, Loago Mokunki a re Blackbeard ga a itse ditsamaiso tsa go bereka le batho, a tlatsa ka gore le yone therisano magareng ga batshwaraditlhapi le ofisi ya diphologolo e ne e se e e netameng.

A re ka jalo ba ile ba tsaya tshwetso ya go kwalela Tautona Ian Khama go kopa thuso tebang le dikgwetlho tse di ba lebanyeng ele batshwaradithapi.

Mokunki o boletse gape fa ditlhapi ele tsone fela jaanong di tshwereng matshelo a bone ka kgaolo Bokone-Bophirima e e gateletswe ke manokonoko a tsa tlholego jaaka leuba gammogo le bolwetse jwa tlhako le molomo. A re batshwaradithapi ba ka tshwara lekgolo le masome a robabobedi le bone, ba beileng matshelo a bone mo go rekiseng dithapi.

Editor's Comment
Stakeholders must step up veggie supply

The Ministry of Agriculture, local producers, retailers, and industry associations must work together to overcome the obstacles hindering vegetable production and distribution.This collaborative approach is essential to improve the availability, quality, and affordability of vegetables in the market.Firstly, the Ministry of Agriculture should provide support and guidance to local farmers to enhance their productivity and efficiency. This could...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up