Basarwa ba nyoretswe thuto

No Image

MARULAMANTSI/MHISENYANE: Bana ba letso la Sesarwa mo kgaolong ya Boteti ba kopilwe gore ba leke bojotlhe go ikanya thuto tshotlegong.

Kopo eo e dirilwe bosheng ke moithuti wa mophato wa botlhano wa sekole se segolo sa Letlhakane (LSS), Kemmonye Andrious, mo potsolosong le Naledi kwa morakeng wa Marulamantsi, malatsinyana pele ga dikole di bulwa monongwaga. Kemmonye yo eleng kgarejwana ya Mosarwa, a re  thuto ke yone peo ya bokamoso jo bo senang bana ba phefo. Ka jalo are bana ba Basarwa ba mafelo a a farologanyeng  jaaka Marulamantsi, Nxeekhudi, Mhisenyane, le mafelo a mangwe, ba tshwanetse go e tlhagafalela gore bokamoso jwa bone bo seka jwa khurumediwa ke mouwane.

Moithuti yo wa LSS, a re bontsi jwa bana ba Basarwa ba tsaya thuto loleya mo fa gongwe ba felelang ba phuagantse sekole ka mabaka a a senang mosola jaaka go nwa bojalwa, boimana,  go kgatlhwa ke go nna badisa kwa merakeng.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up