Baopedi ba opela Tebelopele 2036

Diva Vebrok
Diva Vebrok

Moopedi wa mmino wa Afro Pop, yo gape eleng kgosana kwa Letlhakeng, Astley Gops, yoo itsegeng thata ka leina la Rathobane, a re nako e tsile ya gore Motswana a baakanye diphoso tse a di dirileng ka dingwaga tsa go ipaakanyetsa Tebelopele ya 2016. A re tebelopele 2036 e tla ka nako e e siameng ka jaanong Batswana ba itse ka tebelopele, ka ba kile ba bolelelwa ka e e fetang ya 2016.

Gops a re o itumelela go bo tautona, Lt General Ian Khama a tlhomile lekoko la tebelopele 2036 go dikologa lefatshe lotlhe go tsaya megopolo le dikgakololo mo Batswaneng nako esale gale. O  boletse fa se ele sone se tlaa thusang gore ere e simolodisiwa Batswana babo ba itse sentle ka yone. Are se se supa fa tautona Khama a tlotla morero.

Ka e le kgosana, Gops a re o tlaa rotloetsa morafe wa gagwe mo kgotlaneng go emela tebelopele 2036 ka dinao. A re o ba kopa gore ere lekoko le le kgabola ka Letlhakeng ba tsene diphuthego ka bontsi go thusa ka megopolo le dikgakololo mabapi le motse le lefatshe la bone.  Fa a ama tsa bodiragatsi le kopelo, Gops a re le bone ele baopedi le badiragatsi, ba tshwanetse go rwala tebelopele e ka magetla ba thuse puso ka ditsela tsotlhe tse ba ka di kgonang. O leboga thata ka ebile lekoko lena le kemedi ya makalana otlhe go balelwa le la bodiragatsi le mmino.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up