Lebala le lesha la kwa Bokone, mo toropongkgolo ya Francistown le setse le amogetse metshameko e le mebedi e megolo go timolola baagi ba kgaolo e lenyora la Dipitse le le ntseng le ba tlhasetse dingwaga di feta masome matlhano. Motshameko wa ntlha e ne e le fa Dipitse di ne di thulanye le Dimmoulo(Stallions) go tswa Burkina- Fasso mo ntweng ya go ipatlela phatlha mo kgaisanong ya sejana sa Aferika, o Dipitse di neng tsa o fenya ka nno e le nngwe go lefela.
Go goroga ga Dipitse kwa kgaolong, go ne ga dira boitumelo jo bogolo thata, mme ka ebile di ne tsa fenya barati le balatedi ba Francistown le metse e e mabapi ba ne ba sala ka dipelo tse di tshweu tsa lorato ka ba bone setlhopha sa bone ka namana gaufi le bone.