Baboki ba Setswana ba ntshana se inong

Moreri
Moreri

Sa re go tlogelwa tsatsing, se ikise moriting, mme se ya bo ele seemo sa baboki ba monogae ba Setswana ba bareng ba tswa goo-lowe ba kgethololwa ka ba sa fiwe ditshono jaaka badiragatsi ba bangwe mo dikgaisanong tsa poko.

Maikutlo a  a senogile bosheng kwa thutosekadipuisanong ya lekgotla la baboki ba Setswana, e eneng e bidiwa fela gotwe Matlhaolosa Poetry Ensemble. Bokopano jo bone bo tshwaretswe kwa sekoleng se se golwane sa Limkomkwing ka mafelo a beke e re tswang mo go yone.

Morutushi mogolo wa thutosekadipuisano e, gape ele leloko la khuduthamaga ya komiti ya MPE e bile ele mmoki wa Setswana, Moroka Moreri a re ba bone go se thona gore ba dire bokopano jwa go dira maiteko a go tsosolosa mowa wa boboki jwa Setswana.

Editor's Comment
Micro-procurement maze demands urgent reform

Whilst celebrating milestones in inclusivity, with notably P5 billion awarded to vulnerable groups, the report sounds a 'siren' on a dangerous and growing trend: the ballooning use of micro-procurement. That this method, designed for small-scale, efficient purchases, now accounts for a staggering 25% (P8 billion) of total procurement value is not a sign of agility, but a 'red flag'. The PPRA’s warning is unequivocal and must be...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up