Ba sekela go utswa dikhondomo
Wednesday, July 08, 2015
Boraro jo, bone bo ile go arabela melato e ba e lebisitsweng ya go thuba le utswa, e e akaretsang go utswa dipaki tsa dikhondomo tsa modiro wa TRUST di le masome a mabedi le bongwe tsa tlhwatlhwa ya makgolo a mabedi le lesome la dipula (P210.00).
Go ya ka fa kgang e thailweng ka teng fa pele ga lekgotla, le le neng le tletse phetelela, basekisiwa ba lebisitswe melato e le metlhano mongwe le mongwe wa bone. Melato e e akaretsa go belaelwa go thuba mo marekisetsong a a farologanyeng le go utswa dithoto tse di farologanyeng tse di akaretsang dikhondomo kwa kgaolong potlana ya Boteti. Babelaelwa mo tshekong eo, e e tsamaisiwang ke Inspector Aubrey Mmereki wa kampa ya Sepodisi ya Orapa, ga ba aka ba bodiwa gore a ba ipona molato kgotsa jang. Le fa go ntse jalo, mokwalo wa ba bosekise o o neng o balwa mo lekgotleng ka letsatsi leo, o tlhalosa jalo gore basekisiwa, ba belaelwa gore ba ne ba tlhotlhoma mo mafelong mangwe a kgaolo potlana ya Boteti, a a akaretsang Mokobaxane le Orapa mme ba dira tshenyo ya go thuba ba bo ba utswa dithoto tse di farologanyeng. Bosekisi jware mangwe a marekisetso a go thubilweng ga bo ga utswiwa mo go one ke lebentlele la Mpone kwa Mokobaxane le marekisetso a a bidiwang Sasha kwa moepong wa diteemane wa Orapa.
It highlights the need to protect rights such as access to clean water, education, healthcare and freedom of expression.President Duma Boko, rightly honours past interventions from securing a dignified burial for Gaoberekwe Pitseng in the CKGR to promoting linguistic inclusion. Yet, they also expose a critical truth, that a nation cannot sustainably protect its people through ad hoc acts of compassion alone.It is time for both government and the...