Amahot e tlogetse teemane gape

Mahalapye Hotspurs
Mahalapye Hotspurs

Morago ga go goroga mo liking e kgolwane ga setlhopha sa Mmankgodi Black Forest, seetlhopha sa pele sa liki e kgolwane, se se ntseng se tshameka mo liking ya ntlha ya setshaba ya Debswana kwa kgaolong ya Bokone, Mahalapye Hotspurs se fentse bosimega jwa liki e go tlhatlogela kwa liking e kgolwane ya beMOBILE.

Amahot jaaka e retiwa ke barati le balatedi ba yone e tlhatloga jaana e hapaana le diselammapa tse yone go tswa Mahalapye, BR Highlanders e le yone e fologelang kwa tlase, mo bangwe ba dumelang gore ditlhopha tse ga di kitla di kopanela lebala mo liking e kgolwane.

Hotspurs e ntse e tshameka mo liking ya ntlha ya Debswana ya kgaolo ya Bokone e e thata ka e na le ditlhopha di le mmalwa tse di kileng tsa gata motlho kwa liking e kgolwane, tse gareng go tse dingwe go leng TAFIC, TASC, ECCO City Greens le GNT.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up