A tlhalano e siame?

Kgatiso ya gompieno, re lebelela ka fa lenyalo le ntseng ka teng bogolosegolo mo Bakereseteng.

Go na le gore re tseye tsia nyalo ya bao ba ba nyadisitsweng kwa kerekereng mme ga ntsi re dira jalo re setse tsamaiso ya go gakololwa le go kwadisiwa ka fa tsamaisong ya molao ya lefatshe la Botswana, mme moago re itlhophele gore a re tla segofadiwa ke moruti wa kereke efe.  Bakeresete ba ba nyalanang ba tshwanetse ba bo ba ineetse mo go Jehofa e bile ba mo rata ka pelo yotlhe. Fa re leba nyalo ka sekeresete, Modimo o ne a dira thulaganyo ntsha ya go fedisa dingwe tse dineng di letleletswe ke Moshe, dingwe tsa tsone dine tsa senoga fa Jesu a ne a araba potso e Bafarasai baneng ba mmotsa yone mabapi ya go tlhala.

Jesu o ne a araba ka gore, dilo tse Moshe a neng a di letleletswe, di ne di sa nna jalo go tswa kwa tshimologong. Phuthego ya Bokeresete e tshwanetse go latela thulaganyo efe ya lenyalo? (b) Mokeresete o tshwanetse go akanya ka eng pele a ka tlhala molekane wa gagwe? O tshwanetse go dira eng gore kamano ya bone e nonofe. Kana o tshwanetse a nyala mosadi o mongwe gape go leka go baakanya seo a sa se kgotsofaleleng mo mosading wa ntlha? Mme fa motho a tlhala molekane wa gagwe fa e se ka lebaka la boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelo dikobo, ga a gololesega go nyala gape. (Math. 19:9)

Editor's Comment
Human rights are sacred

It highlights the need to protect rights such as access to clean water, education, healthcare and freedom of expression.President Duma Boko, rightly honours past interventions from securing a dignified burial for Gaoberekwe Pitseng in the CKGR to promoting linguistic inclusion. Yet, they also expose a critical truth, that a nation cannot sustainably protect its people through ad hoc acts of compassion alone.It is time for both government and the...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up