A pitse Magosi e fatlhilwe?

Bapalami ba dipitse tsa mabelo ba itse sentle gore fa e kare di le mo kgaisanong ya lebelo le legolo, tse tharo tse di kwa pele ke tsone di tlhomiwang matlho thata, se se dirwa ke gore jaanong di abo di fetotse lebelo le o go nna la tsone di tharo fela.

Mme fa e kare go setse dimithara di se kae fela, nngwe ya tsone ya tsipoga kgotsa ya robega, kgotsa ya fatlhiwa ke sengwe, go ile fela ka yone, lebelo le lone le fetoga la dipitse di le pedi. Se ke se go lebegang se diragala ka liki e kgolwane ya beMOBILE ya lefatshe la Botswana, e Orapa United e samileng Township Rollers molala go leba kwa moleng wa bosimega morago ga go bonya ga Mochudi Centre Chiefs ka Matlhatso bosigo.

Liki e ya beMOBILE e setse fela ka metshameko e le metlhano setlhopha sengwe le sengwe morago ga gore ditlhopha di le lesome le borataro di e kgologele ga e simolola go gwetlha bosimega jwa yone, ka tota go tshwanetse go nne le bagaisanyi ba ba tlhwaafetseng ya itumedisa thata go bona ditlhopha di le tharo di lwa ntwa e e boifisang. Ntwa e ya go supa tlhwaafalo ya ditlhopha tsa basireletsi ba liki, Mochudi Centre Chiefs, Township Rollers le Orapa United e ne ya dira gore barati le balatedi ba motshameko wa kgwele ya dinao ya lefatshe la Botswana, ba bule matlho go bona, ba bule ditsebe go utlwa gore ke se fe setlhopha mo go tsone se se itlhomileng kwa setlhoeng sa loko mafelo a beke nngwe le nngwe.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up