O maitseo a eng?
Wednesday, February 18, 2015
Mabele e ne e le one sejo se se tona sa Motswana. O ne a a a ja bogobe, e bile a a a na bojalwa. A a je ngwaga otlhe, e re nako nngwe, fa a ne a hodile thata, a a je dingwaga mme a re o ja tshupa. Tse dingwe dijwalo, jaaka magapu le dinawa, di ne di le teng mme tsone go ka twe ke tsa nakwana fela.
Mo godimo ga go lema, Motswana o ne a rua, a rata kgomo go feta diruiwa tse dingwe. Kgomo e ne e ruetswe ditiro tse dintsi. E ne e lema, gape e gangwa. E re fa e le dikgomo tse di segamo, ke gore, tse di masi thata, mangwe a nowe, a mangwe a dire madila. Letlalo la yone le ne le sugwa mme le segwe diphate le dikgole. Mme godimo ga tse tsotlhe, kgomo e ne e ruetswe go golega e lema, e goga dikoloi le dilei. Boo e ne e le botshelo jwa Motswana jwa malatsi a jale.
It highlights the need to protect rights such as access to clean water, education, healthcare and freedom of expression.President Duma Boko, rightly honours past interventions from securing a dignified burial for Gaoberekwe Pitseng in the CKGR to promoting linguistic inclusion. Yet, they also expose a critical truth, that a nation cannot sustainably protect its people through ad hoc acts of compassion alone.It is time for both government and the...