Lesufu ga se serope

Letsatsi lengwe Mmualebe o ne a reeditse seromamowa sengwe se gasa thulaganyo e mo go yone batho (bareetsi) ba neng ba bodiwa dipotso. Ka fa go neng go dirwa ka teng, e ne e le gore motho o ne a bodiwa potso, mme fa a e arabile sentle, a tshamekelwe pina e ene a tlaa bong a e itlhophetse.

Thulaganyo ya tswelela. Dipotso tsa bodiwa go tswa kwa le kwa. Bareetsi le bone ba letsa go iteka lesego.  Ba araba, bangwe ba latlhega ba fosa, ba bangwe ba araba sentle, ba tshwara. Fa thulaganyo e ntse e tsweletse, ga tla potso e bodiwa ka Sekgoa, e batla go itse gore ke karolo efe ya kgomo e e bidiwang lesufu. Go araba potso e, yo o neng a bodiwa a re ke serope; a raya gore karolo ya kgomo e e bidiwang lesufu ke serope. Karabo e, e ne ya amogelwa, ga tsewa gore e arabile potso sentle. Go bo go raya gore, motho yo o neng a araba, ka o tshwere, o tshwanetse go itlhophela pina e a tlaa e tshamekelwang. A dira jalo a e tlhopha. Thulaganyo ya tswelela dipotso tsa nna tsa bodiwa. Bareetsi le bone ba nna ba latela ba araba.  Bangwe ba latlhega ba fosa, ba bangwe ba araba sentle, ba tshwara.

Ka fa Mmualebe a e bonyeng ka teng, thulaganyo e ke thulaganyo e e monate. E leka go bona gore a batho ba ela dilo tlhoko le gore a ba itse tse di diragalang mo gare ga bone. Golo gongwe e ka ruta ya ba ya kgothatsa batho go ela dilo tlhoko. Mme fela selabe sengwe ke sele. Go bona selabe se, a re botse gore, fa karabo e re karolo ya kgomo e e bidiwang lesufu ke serope, a e nnete? A o dumalana le karabo e? Ke eng o dumela jalo? Mmualebe ene a re, nnyaa, potso ele ga e a arabiwa sentle. Gore re tle re tlhaloganye gore ke eng re re potso ele ga e a arajwa sentle, a re re re kwa kgotleng go tlhabilwe kgomo. A jaanong re bone gore fa kgomo e sena go tlhabiwa (bolawa) go dirwa eng/ jang ka yone.

Editor's Comment
BDP primaries leave a lot to be desired

The BDP as a party known to have ample resources has always held its primaries well in time, but this time around that was not the case. The first leg of the primaries was held last weekend, with the final leg being billed for the coming weekend. This time around, the BDP failed to shine in its primary elections. The elections were chaotic; most if not all polling stations didn't open at the specified time of 6am. Loyal BDP members braved the...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up