Go lebetswe lefe?
Friday, March 29, 2019
Banana bone, ka lenaneo la (YDF) Younth Development Fund, ba thusiwe go bula dikgwebo. E re go se na go dirwa jaana, bangwe ba tlhagafale, ba tiise, ba tlhokomele . Fa e le morui, a tlhokomele loruo lwa gagwe, lo hule, lo nwe sentle, a thibele (kentele) malwetse. Ka lo thwerwe sentle, loruo lo, lo itumele, lo none, lo tsale, lo ate. E re ka motho o tlhagafetse, o a itirela, a robe sengwe, go nne monate. Fa e le molemi, le ene fela jalo, botshelo bo tswele pele, bo tokafale.
Ka ntlha e nngwe, bangwe bone e re ba se na go thusiwa ka tse ba neng ba di kopile, motho a hulare, a lebale gore o tshwanetse go ema ka dinao, a tlhokomela. Fa e le loruo, ka lo latlheletswe, lo ye le naga, go je dibatana; kana boemong jwa go kokotletsa, go tlhabiwe, go jewe. Dijwalo kwa masimo le tsone fela jalo. Go tlogelwe go jewe ke mhero, dinonyane le tse dingwe. Motho a lebale gore jaanong ke nako ya gore o tshwanetse go ema ka dinao, a huhula, a tle a bone mohuhutso wa phatla, e re ka moso a ipolelele, a bo a bolele puso ka sengwe. Go nna jaana, botshelo bo eme fela golo go le gongwefela. O lebe, o bone gore, seemo se, se a tshwenya ka dilo ga di tsamaye sentle.
It highlights the need to protect rights such as access to clean water, education, healthcare and freedom of expression.President Duma Boko, rightly honours past interventions from securing a dignified burial for Gaoberekwe Pitseng in the CKGR to promoting linguistic inclusion. Yet, they also expose a critical truth, that a nation cannot sustainably protect its people through ad hoc acts of compassion alone.It is time for both government and the...