Go kwadilwe jalo ke lesupi

Go  alela kgang ya rona ya gompieno (e seng gampieno, gompieko) mmila re tlaa lata wa maloba re boelele polelo ele e ka yone re neng ra utlwa fa e ne ya re ka kgwedi ya Hirikgong ngwaga ono, mopalamente wa Palapye, Rre Onneetse Ramogapi, a tshwara phuthego ya kgotla kwa Serorome.

Re ne ra utlwa gore gone koo, ba Serorome ba tla ka dilelo tsa bone, ba itekodisa mopalamente. Ga twe ba ne ba lela ka seemo se se maswe sa ditsela tsa kgaolo ya bone. Ga bonala fa ditsela tse, e se tsone sentle, di sa agega, mme e re ka nako ya pula di tlale metsi. Go ya ka polelo, metsi ao, a elele, a tsene mo malwapeng mme malwapa a  fetoge merwalela batho ba palelwe ke go dira ditiro tsa bone. Re dumalane gore, se, e se ke e nne seemo se se monate. E re batho ba ka bo ba itumelela pula, ba lelele gore e ba diela ditiro.

 Go sale foo, morafe wa supa fa o tlhobaela ka botsogo jwa badiri ba khampane ya Makoro Bricks ka e lorole lo lontsi. Gone fa, morafe wa  kopa gore mopalamente le makhanselara ba etele Makoro Bricks go ya go bona gore a e sala morago ditshetlana tsa tshireletsego ya badiri ba yone.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up