A e baya mae kgotsa e a tsala?

E ne e rile pele ga malatsi a botsalo jwa Morena, basimane ba tsewa ke Khudugo ba ya Lenatong, go ya go mo thusa koo. Tiro e tona, e ne e le go agelela tshimo, ka e ne e rile ngogola a senyediwa ke dikgomo thata.

Gone o ne a ageletse mme go a bonala dikgomo tsa nyatsa ka fa a neng a dirile ka teng, tsa tlhagelela tsa uputsa tshimo. Jalo he, a bona gore ngwaga ono, a agelele go feta jaaka a ne a dirile ngogola. Ba feta ba tlhagafala basimane ba dira tiro ka botlalo, ba tiile moko. A a bo a ntse a le foo metsi a masetlhana, go timola lorole, le go intsha lenyora.

Morago ga malatsi a mane, tiro ya wela. A leba Khudugo, a bona gore tota e dirilwe sentle, a itumela. Mme a se ka a leboga ka lefoko fela, a ntsha lebogo la kgomo e e neng e tlhabilwe maloba gore basimane ba nwe metsi. Ba ka tlhola ba re ka moso? Gone foo la tsena mo isong, ga apewa. E ne e le letsatsi le go neng go tshwanetse go boelwa gae ka lone. Go kile ga ko ga nna jalo? Go tsamaiwe, di salele mang?

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up