Batlhanka ba tshosa mong

Eric Molale
Eric Molale

Kgaolo ya botlhophi ya Good-Hope/Mabule e go buiwang ka yone e kile ya nna mo diatleng tsa phathing e e busang ya Domkraga(BDP), mme go ne ga nna semanka ngwaga e e fetileng jaaka phathi ya kganetso ya diphathi tsa sekhukhu(UDC) e ne ya e phamola ka leina la mopalamente James Mathokgwane fa a ne a suputsa Kitso Mokaila. Mmega-dikgang wa Naledi, TEICHLER RANKOA, a re go tlogela ga ga Mathokgwane go dirile gore kgosikgolo ya kgaolo yotlhe ya Morolong, Kgosi Letlaamoreng Montshioa II, le ene a tlogele setilo sa bogosi go tsena mo polotiking. Batlhanka ba lebagana le mong wa bone. Se jaanong se dira gore Barolong ba bone mong wa bone a lebagana mo ntweng le bontlhopheng ba bangwe go tswa kwa diphathing tse dingwe.

Kgosikgolo ya Morolong, Kgosi Letlaamoreng II, o eteletse maloko a diphathi tsa sekhukhu (UDC) go tsena mo ntweng e e botlhoko ebile e le thata ya ditlhopho tsa poelelo kgwedi e e tlang ya Phatwe kwa matlho ka bontsi a tla a bo a lebile teng go bona mofenyi. Ntwa e e matlho mahibidu e e tla ka modirelapuso wa bogologolo ebile a feletse ka maemo a a kwa godimo a bodirelapuso le tona ya lephata la bodirelapuso, Eric Molale wa BDP, yo le ene fela jaaka Letlaamoreng, a iponang a na le nonofo le mashetla a go rongwa kwa palamenteng ke batlhophi le baagi ba kgaolo e.

Ka fa go le lengwe letlhakore, go utlwala leina la monna yo mongwe yo o thata ya lentswe le besitswe, Comfort Maruping, yo ene a rweleng morwalo o o bokete wa barati le balatedi kgotsa maloko a phathi ya Mogobagoba(BCP) go lwela le go gwetlha bosimega jwa phathi e ya bone. Fela ka ntwa e e farologana le ya ngogola ka jaanong e na le kgosikgolo ya morafe, gape e na le ramaemogolo mo pusong, go solofetswe fa ipapatso ya yone e tla a nna ya maemo a a kwa godimo thata.

Editor's Comment
Stakeholders must step up veggie supply

The Ministry of Agriculture, local producers, retailers, and industry associations must work together to overcome the obstacles hindering vegetable production and distribution.This collaborative approach is essential to improve the availability, quality, and affordability of vegetables in the market.Firstly, the Ministry of Agriculture should provide support and guidance to local farmers to enhance their productivity and efficiency. This could...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up