Mmualebe
Wednesday, March 21, 2012
Maloba re ne ra bua ka lefoko 'tsena' e le lengwe la mafoko a a dirisiwang thata mo Setswaneng. Re ne ra bona fa lefoko le, le sa dirisiwe go raya go ya mo teng ga sengwe fela, jaaka go tsena mo mosimeng, go tsena mo sakeng, mme le ka dirisiwa ka ditsela tse dintsi tse di farologanyeng. Mo dikaing tse di neng tsa tswa, go ne ga bonala sentle gore nngwe ya ditsela tsa go dirisa lefoko le, ke go bopa manatetshapuo jaaka 'go tsena mo tlung' go raya go tshola ngwana, 'go tsena motho' go raya go tlwaela motho thata, le 'go tsena ganong,' mo bangwe ba tlwaetseng go go dira.
Re tlaa sala kgang ya rona ya maloba morago ka go lebelela lengwe la manatetshapuo a Setswana, le le reng 'go iteela.' Potso ke gore, fa Motswana a re o a iteela, o a bo a raya eng? Go a bo go iteelwa eng, jang?
It highlights the need to protect rights such as access to clean water, education, healthcare and freedom of expression.President Duma Boko, rightly honours past interventions from securing a dignified burial for Gaoberekwe Pitseng in the CKGR to promoting linguistic inclusion. Yet, they also expose a critical truth, that a nation cannot sustainably protect its people through ad hoc acts of compassion alone.It is time for both government and the...