Tsiboso ka kankere ya molomo wa popelo

E re le ntswa Lephata la Botsogo le Boitekanelo le Lekalana la Twantsho kankere mono gae a boloditse letsholo la go tsibosa setshaba ka botlhokwa jwa go itlhatlhobela mefuta ya kankere, moono o ne o sale ole teng mo dikokelong go tsibosa setshaba ka malwetse a kgwedi le kgwedi, go simolola ka Firikgong monongwaga.

Thuto e tla gape le ka go ruta setshaba ka kalafi ya yone. Ka jalo, beke eno re buisana ka kankere ya molomo wa popelo mme ke simolola ka go tlhalosa fa e rile mo ngwageng o fetileng, re ne ra utlwa fa bana ba rona ba ba dirang lokwalo lwa mophato wa botlhano kwa dikoleng tse di potlana, batla kentelwa lomao lwa go fokotseng kgonagalo le go ba sireletsa mo go amiweng ke mengwe ya megare e e bakang kankere ya popelo, kana HPV Vaccine ka sekgoa sa baitsaanape.

Go ne ga tlhophiwa bana ba dingwaga tse ka go dumelwa fa ba ise ba amane gope le tlhakanelo dikobo. Lephata la Botsogo le boitekanelo jwa sechaba sa Botswana ba supa ka dipalo gore ba tshwentswe ka bomme ba batlang dikokelong go setse go le thari e bile kankere ya molomo wa popelo e jweleletse mo dikarolong tse dingwe tsa mmele.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up