Thibelo pelegi e e faphegileng

No Image

Mo maitekong a lone a go tsibosa setshaba ka pelegi e e sa rulaganngwang le go amiwa ke megare ya thakanelo dikobo e e farologaneng, Lephata la Botsogo le simolodisitse thulaganyo e ntsha ya didirisiwa tsa go hema diemo tse.

Tshedimoso ya mohuta o wa itshireletso, e dirilwe ke mothusa mokwaledi kwa lephateng la botsogo Dr. Haruna Jibril kwa bokopanong le bobegadikgang maabane mo Gaborone.  Jibril o tlhalositse fa di dirisiwa tse disha di tokafaditswe e bile e le tsa boleng jo bo kwa godimo mme a nankola ya letlhokwana e yone e tlhomelwang mo letsogong mme e bereka ka go itsa mmele go ntsha lee la mme, le eleng lone le dirang gore mme a ime faa kopana le rre, gape le oketsa bophara jwa tikologo ya popelo go itsa lee go ka goroga kwa popelong.

Jibril o ne a tswelela ka go tlhalosa ka fa letlhokwana le le tla thusang bomme ka teng, a re le itsa mme go ka ima mo sebakeng sa ngwaga tse tharo go eng ko go tse tlhano. O bile a re ga e fetole mmele ka gope mo eleng go re fa o batla go ima go ka se nne le bothata bope.

Editor's Comment
Stakeholders must step up veggie supply

The Ministry of Agriculture, local producers, retailers, and industry associations must work together to overcome the obstacles hindering vegetable production and distribution.This collaborative approach is essential to improve the availability, quality, and affordability of vegetables in the market.Firstly, the Ministry of Agriculture should provide support and guidance to local farmers to enhance their productivity and efficiency. This could...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up