Tebelopele 2036 ke ya rona � Kgosi Puso

Mo mafokong a gagwe moragonyana fela ga go tlhophiwa gape go nna Monnasetilo wa Ntlo ya Dikgosi, Kgosi Puso Gaborone a re marara a tshwanetse a nna le seabe sa go etelelapele merafe ya bone ka go tla ka megopolo e e ka thusang go segela pele tsela ya Tebelopele ya 2036.

Kgosi Puso a re fela jaaka dipaakanyetso moletlo o motona wa go ipelela dingwaga tse di masome a matlhano lefatshe la Botswana le ntse le ipusa di tsweletse, Batswana ka kakaretso le dikgosi ka boeteledipele jwa bone, ba tshwanetse ba dirisa diphuthego tse di tsweletseng tsa tshekatsheko ya Tebelopele ya 2016, le go kanoka diphitlhelelo le dikgwetlho tsa tebelopele e, go bopa megopolo ya go segela pele dipilara tse di tla akanngwang go lebisa Botswana ko kae, ka Tebelopele ya 2036.

Kgosi Puso yoo fentseng Kgosi Galeakanye Modise ka tlhopho ya dipalo dile masome a mabedi gona le bale lesome le boraro, a re mowa wa boipelego le tshwaragano o diretswe mosako ke marara mme se supilwe ke ditso tse di nankolang seabe sa marara gotswa goolowe. Kgosi Puso o tsweletse a re dikgang tsa dinonyane tsa gore Ntlo ya Dikgosi kana dikgosi ka bo tsone ga dina seriti, go ka seke ga kwalelwe kwa gae ka tsone.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up