Rekang Botswana- Seretse

Seretse
Seretse

Tona Vincent Seretse a re go reka dithoto tse di dirilweng mono gae go ka simolola ka Batswana, mme kgatelopele e tona le phetogo mo itsholelong ya lefatshe leno e itshupe. Seretse o ne a tshwaela jalo fa akgwa mapalamente dikgaba mo kopong ya madi a lephata la gagwe ka Mosupologo kwa palamenteng.

Seretse a re go santse go na le Batswana ba ba rekang dithoto dingwe kwa ntle ga lefatshe leno ntswa go na le bosupi jwa gore di teng mono gae. Tona a re go reka dithoto tsa mo gae go ka thusa lenaneo la go kabakanya itsholelo a re go dira jalo go ka thusa go godisa maiteko a go fa Batswana dithata tsa itsholelo le go fokotsa lehuma le letlhoko la ditiro.

E ne erile go le pele, Mopalamente wa Kgatleng Botlhaba, Isaac Davids a supa fa a sa eme nokeng tona gore a fiwe madi a a lopang. Mabaka a ga Davids ke gore ene o dumela gore puso ya lefatshe leno ga e dire go lekane go nonotsha Batswana mo go tsa kgwebo le itsholelo.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up