Re tsibogela maduo a HIV jang?

Tsamaiso ya itlhatlhobelo mogare e letla motho gore a nne le sebaka sa go ka tsaya tshwetso ya go itlhatlhobela mogare mme go dirwa jalo go sedilwa maikutlo, ka mabaka a go laola maikutlo a yo o eletsang go itlhatlhoba le gore a rerisane le mokapelo kana mopati wa gagwe, tota le mongwe a losika kana mongwe a leloko lwa lelwapa la gagwe yo a dumelang fa a ka mo thusa go ikamogele fa ele gore maduo a supa fa a fitlhetswe le mogare.

Go tshwanetse gore yoo batlang go itlhatlhoba a bo a ise tsamaiso ya tlhatlhobo le dintlha tsa botlhokwa tsa maduo. Se ele go itse gore fa a ka fitlhelwa ana le mogare, o ka tshelwang jang, le fa ele ga ana mogare, o ka tshelwang go ya pele. Re ka dumalana gore go itlhatlhoba ke kgato ya go tsaya boikarabelo jwa botsogo jwa rona. Maduo a fa o sena mogare wa HIV a tlama gore o bowe o itlhatlhobe gape morago ga sebaka se o tla bong o se boleletswe ke ba ba go tlhatlhobang, jaaka elel sebaka sa dikgwedi tse thataro mme fa ele gore o dira jalo kgapetsakgapetsa, o ka tlhatlhoba gaoe morago ga ngwaga.

Se se raya gore o tshwanetse wa ikela tlhoko fa o sena go tlhatlhobiwa mme o ikilele kana o dirise khondomo ka nako tsotlhe.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up