Re lomeng tsebe re tlaa lo jesa sengwenyana �Makhura

PALAPYE: Mogolwane wa Mapodisi a Palapye, Superintendent Kgetse Makhura, o kopile Batswana go ba loma tsebe ka dirukhutlhi tse di rekisang diritibatsi tse di sa letlelelweng ka fa molaong.

Makhura a re fa setshaba se ka ba tlhaba podi matseba, ele ba sepodisi ba tlaa ba jesa sengwe go ba tiisa moko. O buile se kwa bokopanong jwa mokgatlho wa Captive Bosheng, a bolela fa puso e ba neela madi mangwe a a ka dirisiwang go atswa ba ba ba lomang tsebe mo dikgannyeng tsa borukhutlhi.

Mogolwane yo o boletse dituelo tsa go loma tsebe di farologana go lebilwe bokete jwa kgang. A re e are morago ga go tsibogela moswadilo wa kgang, ba dire gotlhe go sireletsa molomatsebe  mme a seke a dirisiwe jaaka mosupi fa kgang e thaiwa le go sekwa.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up