Puso e diega ka dikarabo

Go makgetho a le mantsi puso e ngongorega ka fa metswedi ya dikgang kana makwalo dikgang a a ikemetseng ka nosi a gatisang dikgang a sa rurufatsa bommaruri le modi wa dikgang tse di amang puso.

Le fa gone go atle go nne le dikgatiso tse di sa rurufadiwang mo go tseneletseng, sebe sa phiri ke gore le yone puso e tshwanetse ya itshekatsheka mabapi le seemo se. Gangwe le gape, makwalodikgang a romela mekwalo ya dipotso kwa maphateng a puso ka go farologana, mme go tseye sebaka se se fetang dibeke tse tharo, le go feta, go re dikarabo di bowe.

Re dumela go re go tshwanetse e bile go a thusa gore dipotso tsotlhe tse di amang merero le ditogamano tsa puso, di arabiwe ka mekwalo. Se ke go direla gore, go seka ga nna le ketseetsego kana tshupatshupano ka menwanwa.

Editor's Comment
Gov’t must rectify recognition of Khama as Kgosi

While it is widely acknowledged that Khama holds the title of Kgosi, the government’s failure to properly gazette his recognition has raised serious concerns about adherence to legal procedures and the credibility of traditional leadership. (See a story elsewhere in this newspaper.) Recent court documents by the Minister for Local Government and Rural Development, Kgotla Autlwetse, shed light on the intricacies of Khama’s recognition process....

Have a Story? Send Us a tip
arrow up