Polka e ka rudisa itsholelo � Toto

No Image

TSABONG: Kgosi David Seetelo Toto II wa Tsabong, a re ntle le manokonoko a leuba le le ipoeletsang mo kgaolong ya Kgalagadi, maitiso a tshwana le a mmino wa Polka, a ka thusa mo go tsosoloseng itsholelo ya baagi ba Kgalagadi Borwa.

Toto o buile jalo fa a ne a amogela baeng le merafe ya metse ya Kgalagadi Borwa kwa maitisong a mmino wa Polka kwa Tsabong, bosheng. Toto, yo gape eleng moemedi wa kgaolo ya Kgalagadi Borwa kwa Ntlong ya Dikgosi, a re o eletsa go bona moletlo wa polka o gola le go kgona go thusa baagi ba kgaolo ya gagwe, go tswakanya itsholelo ya bone. Kgosi Toto a re ka mmino o, go ka rulaganngwa gore o nne bontlhabongwe jwa dikgaisanyo tsa ditshupo tsa kgaolo tsa temothuo mme bafenyi ba ka iphimola sethitho ka matsana a ba ka tlhabololang ditlhopha tsa bone ka one.

Toto o rotloeditse barulaganyi ba tiro eo go ngoka dikompone go rotloetsa maitiso ao ka ele bontlhabongwe jwa go bapatsa dikgwebo tsa bone ka bojanala jwa kgaolo ya Kgalagadi.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up