Pelo potsane ea golegwa � Markos

MAUN: Mopalamente wa Maun Botlhaba Constantino Markos o gakolotse borre go nna dipelo telele mo dikgannyeng tsa marato gona le go itseela ditshwetso tsa go bolaya bakapelo ba bone.

Markos o buile jalo ka Tshipi kwa tirelong ya phitlho ya ga mme Lizzy Kebontshitswe wa dingwaga tse di masome a mabedi le boferabobedi (28) yo a bolailweng ke mokapelo wa gagwe, Obusitswe Baatshwana (27) ka go mo keteka beke ee fetileng. Moswi o ne a ragosediwa kwa sepateleng sa Letsholathebe II kwa dingaka di neng tsa rurifatsa fa a tlhokafetse. O tlogela bana ba le bararo, mosimane le basetsana ba le babedi. Mmelaelwa o disa poo a letile tsheko mme otla itshupa gape kgwedi eno ele lesome le bone.

Ya re a ntsha kgakololo, Markos a re, “Borre pelo potsane ea golegwa, tlogelang go nna dipelo di maswe mo basading,” mme a tswelela a gwetlha borre go kopa dikgakololo fa ba na le mathata go na le go itseela ditshwetso tsa go bolaya bakapelo ba bone. A re go bolaya ga go rarabolole mathata e bile go a okeletsa kwa pele, a tlatsa ka gore ga go supe fa motho e le monna wa popota.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up