Pako o itshetsa ka botaki

Bataki ba lefatshe leno ba ka tswa bana le dikgwetlho ka go farologana dingwe ele tsa mmaraka wa theko wa botaki jwa bone, mme bataki bangwe ba ikiteile sehuba go lepalepana le dikgwetlho tse ka go tswelela ba supa bokgoni jwa bone go itshetsa.

Mongwe wa banana bao ke Pako Selei wa dingwaga tse masome mabedi, ene a bolela fa a kgotlhadiwa le go feta ke mananeo a ga Tautona Dr. Seretse Khama Ian Khama a malatsi a go fa Batswana sebaka sa go bokgeleke, tota le thotlhoetso ya mapahata a puso go reka botaki jwa Batswana.

Pako o tswa kgakala a rata go taka mme fela o tlhalosetsa Naledi gore o ne a gola le go feta mo go tsa botaki fa a tsena sekolo se segolwane kwa Naledi. Selei o supa gore o ne a dira dithuto tsa botaki kwa Naledi mme bangwe ba balekane ba gagwe le barutabana bangwe ba ne ba mo thusa go godisa talente ya gagwe le go feta.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up