Ontuetse ke mofenyi wa poko ya Setswana

Ontuetse le mmamogolokwane wa gagwe SENEPE: ZOLANI KRAAI
Ontuetse le mmamogolokwane wa gagwe SENEPE: ZOLANI KRAAI

Ere ntswa thulaganyo ya dikgaisanyo tsa malatsi a ga Tautona ya poko e simolotse oura morago ga nako ya bone e e neng e solofetswe, maitiso a ne a nna a a kgatlhisang ele ruri. Mme mofenyi wa kgaisanyo ya poko ya Setswana ya nna Oaitse Ontuetse.

Mo kgaisanyong e e neng e tshwaretswe kwa sekoleng sa Westwood ka Labotlhano, o re tswang mo go ene, lekawana le la kwa Palapye, le ne la itlhaola mo badiragatsing ba bangwe bale borobabongwe go tswa kwa dikgaolong tse di farologaneng tsa Botswana.

Mme a fenya jalo dikete dile lesome tsa dipula (P10,000). Ontuetse yo gape a ipitsang ‘Tau ya Setso’ o fentse jalo kgaisanyo e ka poko  e aneng a e rulagantse ka go rotloetsa poloko ya ngwao, a bo a gakolola Batswana ka mananeo a puso a a tlhabolotseng lefatshe leno le batho ba lone. O bile a bua ka mananeo a a bolokileng setshaba sa Botswana jaaka a diritibatsi tsa diARV le go kgaola letlalo la bonna, a kaya jalo fa a ile a tokafatsa botsogo jwa bone ka teng.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up