MYSC e tlaa thusa Moeti go ya dikgaisanyong tsa mafatshefatshe

PALAPYE: Morago ga gore kgeleke ya poko Batshidi Moeti (23) a retelelwe ke go ya go diragatsa kwa moletlong wa ngwaga le ngwaga wa Piton International North Film Festival (PIFF) kwa setlhaketlhakeng sa St.Lucia kwa mosejwa wa mawatle a Amerika ngogola, a re monongwaga o tla fitlhelela toro ya gagwe ka jaana lephata la Banana, Metshameko le Ngwao (MYSC) ba utlwile selelo sa gagwe.

Mo potsolotsong le Naledi bosheng, Moeti yoo tlholegang kwa Maun, o boletse fa MYSC e itlamile go mo duelela sefofane go ya le go boa kwa St.Lucia, le ditshenyegelo tsotlhe tsa go tsena dikgaisanyo tseo. Mo mokwalong o a o bontshitseng Naledi, madi a a tlaa thusiwang ke P29 072.72, le P2907.48 wa dipalangwa tse dingwe.

Mmoki yo, o tlhalositse fa a itumeletse thuso e ka a sa bolo go kopa makalana a mantsi mme ba mo latolela. A re ba Brand Botswana le bone ba solofeditse go mo thusa ka dikitso dingwe tsa lefatshe leno.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up