Motaki o lela ka bogodu

Zanakana
Zanakana

MAUN: Mongwe wa bataki yo o tlholegang kwa motseng wa Ikoga, ebile ele senatla sa petlo, Morgan Zanakana, a re le fa gotwe motho o tshela ka mofufutso wa phatla, bangwe ba tlhabile kgobe ka mmutlwa mme ba inaakantse le go thukutha badiragatsi dithoto tsa kgwebo.

Zanakana yo gape eleng mong wa kompone ya Okavango Plastic Printers mo Maun, a re kgwebo ya gagwe e a e simolotseng ka lemmenyana la pata ya gagwe, ea nametsa fela thata. Are kgwetlhokgolo ke bogodu jwa dithoto jo bo tsereng phekelo e sele. A re bajanala le bone ba feletsa ba utswelwa ka dinako dingwe.

Zakanaka a re o dira thata dikipara  tse di tshwantshitsweng diphologolo tsa naga, mebepe ya kgaolo ya makgobokgobo a Okavango, Botswana le Aferika. O tladitse ka gore dikipara tsa gagwe di rekwa thata ke bajanala ba bathobasweu ba gantsi ba etelang bojanala jwa Nhabe le makgobokgobo.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up