Mosokelatsebeng o romela monna go disa poo

MAUN: Mosokelatsebeng wa modiro wa Duos oo lopileng P450 o gogetse monna mongwe wa kgotla ya Wenela go disa poo dingwaga di le pedi morago ga go bonwa molato ke lekgotla la ga mmakaseterata la Maun.

E ne ya re beke ee fetileng Kehiwang Phemelo wa dingwaga tse di masome mane le borataro (46) a bona mo a neng a sa go solofela ka ene e rile pele ga katlholo a kopa lekgotla go seka le mo gagamaletsa katlholo a re o kopa gore a seka a tlhatlhelwa ka a tlhokometse bana ba dikhutsana ba le bararo le mmaagwe wa motlhokapono.

E ne ya re pele a ntsha katlholo, mmakaseterata wa Maun, Phandiwe Taka a tlhalosetsa mosekisiwa fa molato oa o lebileng wa go thuba ntlo a ka atlholelwa dingwaga tse di sa feteng lesome le bone le dithupa, fa wa go utswa mo ntlong o ne a ka otlhaiwa dingwaga tse di sa feteng lesome mo kgolegelong.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up