Mosadi wa motswakwa o sekela motokwane

Issac Mabiletsa o tla bona boroko jaanong
Issac Mabiletsa o tla bona boroko jaanong

JWANENG- Mosadi wa letso la Zimbabwe, Lilian Chulugu, o itshupile fa pele ga ga Makaseterata wa Jwaneng, Basetsana Keakantse, ka a lebisitswe molato wa go fitlhelwa ka setlhatshana se go belaesegang ele motokwane.

Mo tshekong e, Chulugu o ne a palelwa ke go ntsha mabaka a a nonofileng a go ka ngoka Makaseterata Keakantse go mo letlelela go letela tsheko kwa ntle ga kgolegelo. O ne a tshwanelwa ke go fufula le go lokolola loleme lwa gagwe go ka leka go ganetsana le mabaka a motlhotlhomisi wa puso, Sergent Shadrack Moatswi, wa sepodisi se eseng sa seaparo sa Botswana.

Moatswi o ne a bolelela lekgotla fa mosekisiwa a sa tshephagale ka a sena bonno ebile ele motswakwa mme a nna ka go sia. O ne a tswelela ka go tlhalosetsa lekgotla fa setlhatshana se santse se isitswe go tlhatlhojwa gore a ke motokwane le go tsaya bokete jwa sone.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up